IFLA

As of 22 April 2009 this website is 'frozen' in time — see the current IFLA websites

This old website and all of its content will stay on as archive – http://archive.ifla.org

IFLANET home - International Federation of Library Associations and InstitutionsActivities and ServicesSearchContacts

School Libraries and Resource Centers Section

IFLA/UNESCO Motlobo wa dibuka wa sekolo

(Setswana translation of IFLA/UNESCO School Library Manifesto)

"Mo ithutontshong le mo go ithuteng ga botlhe"

Maitlamo a metlobo ya dibuka ya dikolo


Motlobo ya dibuka ya dikolo e tlisa kitso le dikakanyo tse di leng boremelelo mo go direng ka katlego ga setho sa metlha eno se se ikaegileng ka go abelana dikgang le kitso.

Motlobo wa dibuka wa sekolo o fa baithuti maitemogeIo a botshelo jotlhe a go ithuta o bile o godisa bokgoni jwa maitlhomo kgotsa go akanya dilo ka jalo go ba dire baagedi ba lefatshe ba ba nang le boikarabelo.

Maikaelelo a motlobo wa dibuka wa sekolo

Motlobo wa dibuka wa sekolo o lere ditirelo tsa go ithuta, dibuka le ditlamelo tse dingwe tse di kgontshang botlhe ba ba mo sekolong go nna batho ba ba akanyetsang dilo ka botlalo le bophara, ba ba dirisang kitso ka tlhomamo mo mefuteng yotlhe ya yone le ditsela tsa pego ya dikgang. Motlobo wa dibuka wa sekolo o lomagana le motlobo wa mafatshefatshe le mafaratlhatlha a kabelanokitso go inaakantswe le maikemisetso a a mo Maitlamong a UNESCO a Motlobo wa Dibuka wa Setšhaba.

Badiri ba motlobo wa dibuka ba rotloetsa tiriso ya dibuka le metlhale e mengwe e e tlisang kitso, go tswa kwa dibukeng tsa itlosobodutu go ya kwa go tse di rutang ka bokhutshwane le tlhamalalo, go tswa mo go tse di gatisitsweng mo dipampiring go ya kwa go tse mo mokwalong wa boranyane, tse di gautshwane le tse di kgakala. Didirisediwadithuto di tlaleletsa di ba di tlotlisa dibuka tse di tlhophilweng, didirisediwathuto le mekgwa ya go ruta.

Go supilwe gore fa batsamaisametlobo ya dibuka le barutabana ba dira mmogo, baithuti ba fitlhelela kwa bokgoning jo bo kwa godimo jwa go tlhaloganya le go utlwisisa tse ba di ithutang, go bala go ithuta, go rarabolola mathata a botshelo, le go anya kitso le botsipa jwa ditlhaeletsano ka boranyane.

Ditirelo tsa motlobo wa dibuka wa sekolo di tshwanetse go leretswe banni le badirammogo botlhe ba sekolo ka tekatekano, go sa lejwa dingwaga tsa bone, letso, bong, tumelo, bosetšhaba, puo, tiro kgotsa maemo a motho mo setšhabeng. Ditirelo tse di faphegileng le dilo tse dingwe di tshwanetse tsa nna teng go solegela molemo batho ba ba sa kgoneng go dirisa ditlamelo le meamuso e e dirisiwang mo metlobong ka tlwaelesego.

Go nna le sebaka sa go akola ditirelo le dilo tse di lerilweng go tla go dirisiwa mo motlobong, go tshwanetse ga ikaega ka Maikano Kakaretso a Lekgotla la Ditšhaba a Ditshwanelo le Dikgololesego tsa tsa Setho di bile ga di a tshwanela go laolwa ke dikakanyo dipe, sepolotiki kana dikiletso tsa tumelo, kgotsa dikgatelelo tsa kgwebo.

Molao wa go bona madi le ditomagano le mafaratlhatlha a kabelanokitso

Motlobo wa dibuka wa sekolo o botlhokwa mo maanong mangwe le mangwe a go oketsa kitso, thuto, mabaka a kabelanokitso, itsholelo, le tlhabololo ya tsa setho le ngwao. Ka e le boikarabelo jwa babusi ba selegae, ba dikgaolo le ba setšhaba, metlobo ya dikolo e tshwanetse ya ikaega ka molao le maikemisetso a a faphegileng. Metlobo ya dikolo e tshwanetse ya nna le madi a a lekaneng a bile a nitame go thusa go rutuntsha badiri, tse di balwang, tsa boranyane le didirisiwa. Metlobo e tshwanetse go dirisiwa kwa ntle ga tuelo.

Motlobo wa sekolo ke mogogammo wa botlhokwa, mo magaeng, mo dikgaolong, le mo ditomaganong tsa setšhaba tsa mafaratlhatlha a kabelano kitso.

Fa motlobo wa dibuka wa sekolo o kopanetseng didirisiwa kgotsa meamuso le mofuta o mongwe wa motlobo wa dibuka, jaaka motlobo wa dibuka wa setšhaba, maikaelelo a a faphegileng a motlobo wa dibuka wa sekolo a tshwanetse a netefadiwa a ba a tshegediwa.

Maikaelelo a motlobo wa dibuka wa sekolo

Motlobo wa dibuka wa sekolo ke pinagare ya tsamaiso ya thuto.

Tse di latelang di botlhokwa mo tlhabololong ya kitso, botsipa jwa go anya kitso, thutontsho, go ithuta le ngwao ke one matshego a ditirelo tsa motlobo wa dibuka wa sekolo:
  • Go tshegetsa le go godisa dikgato tsa thuto jaaka di balololwa mo maikaelelong le mo thulaganyong ya dithutong tsa sekolo;
  • Go tlhabolola le go tsweledisa tlwaelo ya bana ya lorato lwa go bala le go ithuta, le go dirisa metlobo ya dibuka mo botshelong botlhe jwa bone;
  • Go dira gore go nne le sebaka sa maitemogelo mo go diriseng ditsela tsa kabelanokitso go atisa kitso, go tlhaloganya, go akanyetsa le go ijesa monate;
  • Go rotloetsa baithuti botlhe mo go ithuteng le go dirisa mabogo, go kgona go sekaseka le go dirisa kitso, go sa re sepe gore ke ya sebopego sefe, e rulagantswe jang kgotsa e tswa mo motsweding o o ntseng jang, etsamaisiwa jang, go tsentswe le gore e masisi go le kae fa go Iebeletswe mekgwa ya go buisana mo setšhabeng;
  • Go leretswe tshwanelo ya tiriso ya meamuso le ditshiamelo tse di mo magaeng, mo dikgaolong, mo setšhabeng, le Iefatshe ka kakaretso, tse di dirang gore baithuti ba kopane le megopolo, maitemogelo le maikutlo a setho a farologaneng;
  • Go rulaganya ditiragalo tse di rotloetsang ngwao le temogo ya go tshedisana le batho ba bangwe le go tlotla se ba leng sone.
  • Go dirisana le baithuti, barutabana, bagogi ba sekolo le batsadi go diragatsa maikaelelo a sekolo;
  • Go goeletsa kakanyo ya gore kgololesego ya go ithuta le go bona kitso di botlhokwa mo bosetšhabeng jo bo nang le boikarabelo le go nna le seabe mo pusong ya batho ka batho.
  • Go rotloetsa go bala le go dirisiwa ga meamuso le ditlamelo tsa motlobo wa dibuka wa sekolo ke batho botlhe ba ba mo sekolong le ba ba kwa ntle.

Motlobo wa dibuka wa sekolo o diragatsa maikaelelo a ka go dira maikemisetso le ditlamelo, go tlhopha le go tlisa meamuso, go kgonagatsa go nna teng ga tshwanelo ya tiriso metswedi e e lebaneng ya boanyathuto le kabelanokitso, go lere didirisediwadithuto, le go thapa badiredi ba ba rutetsweng tiro

Badiredi

Motsamaisi wa motlobo wa dibuka wa sekolo ke modiredi yo o rutetsweng tiro ka botlalo yo o filweng boikarabelo jwa go dira ditogamaano tsa motlobo wa dibuka le go o tsamaisa, a thusiwa ke badiredi ba palo e e lekaneng ka mo go ka kgonegang, a dira le batho botlhe ba ba mo sekolong, a bile a dirisana le metlobo ya dibuka ya setšhaba le e mengwe.

Seabe kgotsa tiro ya motsamaisi wa motlobo wa sekolo e farologana go ya ka fa seemong sa tsa madi, dithuto tse di rutwang mo sekolong le ditsela tse dikolo di rutang dithuto ka tsone, go setswe morago melao ya setšhaba le dithulaganyo tsa tirisomadi. Mo mabakeng a a faphegileng, go na le dikarolo tsa mefuta ya kitso tse di botlhokwa thata mo go direng gore baokamedi ba metlobo ya dibuka ba kgone go rulaganya le go tsamaisa metlobo ya dibuka ya sekolo e e nang le ditirelo tse di atlegileng tse e leng: meamuso, motlobo wa dibuka (lefelo), tsamaiso ya kabelanokitso le go ruta.

Mo lefelong le le nang le koketsego ya tomaganyo ya tiriso ya tlamelo, baokamedi/batsamaisi ba metlobo ya dibuka ba tshwanetse ba bo ba na le maitemogelo a go loga maano le go ruta barutabana le baithuti ka ditsela tse di farologaneng tsa bokgoni jwa tsamaiso ya kabelanokitso. Ka jalo ba tshwanetse go tsweledisa ithutontsho ya maitemogelo a bone a tiro le go a tlhabolola.

Tiriso le Tsamaiso

Go netefatsa tiriso le boikarabelo jo bo nitameng:
  • Maikemisetso a ditirelo tsa motlobo wa dibuka wa sekolo a tshwanetse go dirwa go tlhalosa maikaelelo, tse di tshwanetseng go tla pele le ditlamelo go lebilwe dithuto tsa sekolo;
  • Motlobo wa sekolo o tshwanetse wa rulaganngwa wa ba wa tshwarwa ka fa ditsholofelo tsa boitemogelo kakaretso bo di batlang ka teng;
  • ditirelo di tshwanetse tsa kgona go akolwa ke botlhe ba ba mo sekolong, tsa ba tsa lebaganngwa le baagedi ba lefelo leo;
  • tshwaragano le barutabana, bagolwane le baeteledipele ba sekolo, batsadi, baokamedi ba bangwe ba metlobo ya dibuka, bomaitseanape ba kabelanokitso, le ditlhopha tsa ditlhopha tsa baagedi ba lefelo leo, e tshwanetse ya rotloediwa thata.

Go diragatsa Maitlamo

Mebuso, ka maphata a yone a a rweleng boikarabelo jwa thuto, e kgothadiwa go dira maano, maikemisetso le mananeo a a diragatsang maikaelelo a Maitlamo a. Mananeo a tshwanetse a akaretsa go fetisetsa Maitlamo mo dithulaganyong tsa kalantlhaneng le tsa ditswelediso tsa dithutuntsho tsa batsamaisi ba metlobo ya dibuka le barutabana.


Translation supplied by: Margaret Baffour-Awuah, National Library of Botswana and approved by the Botswana Library Association